Manifesto ya Girona ya Ditshwanelo tsa Dipuo – Setswana

13 May 2011

PEN International e tlisa mmogo bakwadi ba lefatshe.

Dingwaga tse di lesometlhano tse di fetileng, Universal Declaration of Linguistic Rights (Kgoeletso ya Lefatshe ya Ditshwanelo tsa Dipuo) e ne ya itsisiwe lantlha mo phatlalatseng kwa Barcelona ke komiti ya Ditshwanelo tsa Phetolelo le Puo tsa PEN International.

Gompieno, Komiti yone eo, e e kgobokanetseng kwa Girona, e bolela ditheo tsa konokono tsa Manifeseto wa Universal Declaration.

1. Mefutafuta ya dipuo ke boswa jo bo tshwanetseng go tsewa bo le tlhotlhwa le go sirelediwa.

2. Tlotlo ya dipuo tsotlhe le ditso e botlhokwa mo thulaganyong ya go tsweledisa puisano le kagiso mo lefatsheng.

3. Batho batlhe ba ithuta go bua ba le fa gare ga morafe o o ba fang botshelo, puo, setso le boikao.

4. Dipuo tse di farologaneng le ditsela tse di farologaneng tsa go bua ga se fela mekgwa ya tlhaeletsano; mme gape ke tikologo e batho ba golalang le e ditso di agiwang mo go yona.

5. Morafe o o nang le puo o na le tshwanelo ya gore puo ya ona e dirisiwe jaaka puo ya semmuso mo kgaolong ya yona.

6. Go ruta kwa sekolong go tshwanetse ga nna le tshwaelo mo maemong kgotsa mo seriting sa puo e e buiwang ke morafe wa puo e e rileng mo kgaolong.

7. Go a eletsega gore baagi ba nne le kitso ya kakaretso ya dipuo tse di farologaneng, ka gobane seno go tsamaisana le go tlhaloganya le go bulega ga tlhaloganyo, e bile go nna le tshwaelo ya kitso e e botengteng ya puo ya gaabo motho.

8. Phetolelo ya dikwalo, segolo bogolo ditiro tse dikgolo tsa ditso tse di farologaneng, ke ntlha e e botlhokwa thata mo tiregong e e tlhokafalang ya go tlhaloganyana mo go golo le tlotlano fa gare ga batho.

9. Bobegakgang ke segodisalentswe se se lesego se se dirang gore bomefutafuta ba dipuo bo dire le gore oketsa seriti sa bomefutafuta joo jwa dipuo ka botswerere.

10. Tshwanelo ya go dirisa le go sireletsa puo ya gaabo motho e tshwanetse go lemogwa ke United Nations jaaka nngwe ya ditshwanelo tsa setho ya konokono.

Komiti ya Ditshwanelo tsa Phetolelo le Puo tsa PEN International

Girona, 13 Motsheganong 2011

Share